Merogo
From Wikipedia, the free encyclopedia
Lefoko merogo le raya sengwe se se jegang e ka nna bontlha bongwe jwa setlhare kgotsa matlhare, mme go sa akarediwe dipeo gape le maungo. Se se raya matlhare, ditlhito, kgotsa medi ya ditlhare mme gape go akarediwe le dimela tse dingwe (jaaka squash).
Lefoko merogo/morogo ga le na leina la nnete le le tsepameng mo dithutong tsa biology; ka go rialo lefoko le le raya dilo tse di mmal culinary and cultural tradition. Sekai ke gore batho ba tsaya gore mabowa le one ke merogo le fa e ntse e se ditlhatsana,[1][2],fa bangwe bone ba a kgaoganya le dijo ka kakaretso.[3]
Merogo e mengwe e kgona go jewa e sa apewa fa e mengwe yone e jewa e apeilwe, gape le e mengwe ke tshwanelo ya gore e jewe e apeilwe. Merogo gantsi e jewa e apewa e le seshabo kgotsa mo dijong tse di letswai. Le fa go ntse jalo, merogo mengwe e dirisiwa mo dijong tse di nang le sukirinyana, jaaka rhubarb pie le carrot cake.
Tlhaloso ya lefoko "merogo" jaaka "setlhare se se golang se jewa" e ne e ise e simololwe go fitlha ka 18th century.[4]