Lucky Dube
From Wikipedia, the free encyclopedia
Lucky Philip Dube (ba le bitsa duu-beh;[1] 3 Phatwe 1964- 18 Phalane 2007) ene e le mooepedi wa mmino wa South African reggae ebile e le lerasta. Thekiso ya rekote ya gagwe go ralala lefatshe e ne ya mo fa mpho ya moopedi yo o gaisitseng mo Aforika kawa kabong dimpho ya mafatshefatshe ya mmino. Mo mafokong a dipina tsa gagwe, Dube o amile dikgang tse di amang ma Aforika Borwa le maAforika ka bophara go babogedi ba lefatshe lotlhe. O gatisitse di alebamo di le masome a mabedi le bobedi mo selekanyong sa dingwaga di le masome a mabedi le botlhano mme ebile ele moopedi yo o rekisitseng go feta mo Aforika mo go tsa mmino wa reggae[2][3]. Dube o ne a bolaiwa kwa Rosettenville, Johannesburg, mo maitseboeng a Phalane e le lesome le boferabobedi ka ngwaga wa 2007.[3][4][5]