Kelly Clarkson
From Wikipedia, the free encyclopedia
Kelly Brianne o tshotswe ka ngwaga wa 1982, kgwedi ya Moranang e le malatsi a le masome a mabedi le bone, o itsege ka leina la Kelly Clarkson, ke moopedi, mokwadi wa dipina ebile e le mogasi wa telebishini wa kwa America. O simolotse go tuma morago ga go fenya paka ya ntlha ya thulaganyo ya American Idol ka ngwaga wa 2002, go fenya mo go ne ga dira gore a iponele tumalano ya tirisano le ba RCA Records. Pina ya gagew ya ntlha e e leng "A Moment Like This", e ne ya nna kwa godimo ga dipina di le lekgolo tse di neng di tumile ka nako e o kwa America mo Billboard Hot 100, ya bo ya nna pina ya lefatshe leo e e neng e rekisitse thata ka ngwaga wa 2002. E ne ya tsenngwa mo alebamong ya gagwe ya ntlha e e neng e bidiwa Thankful e e ntshitsweng ka ngwaga wa 2003,mme ya nna kwa godimo ga dipina tsa Billboard 200. Clarkson o ne a kgaogana le bagogi ba gagwe ba kwa Idol e le tsela ya go intshafatsa, mme a fetola mofuta wa dipina tsa gagwe go nna pop rock mo alebamong ya gagwe ya bobedi e e bidiwang Breakaway e e gatisitsweng ka ngwaga wa 2004. Alebamo e, e patilwe ke dipina tse di ikemetseng; ya setlhogo sa alebamo le tse dingwe di le tharo, "Since U Been Gone", "Behind These Hazel Eyes" le "Because of You" e rekisitse dikaelo di le di millone di le lesome le bobedi lefatshe ka bophara mme ya fenya seetsele sa Grammy Awards.
Kelly Clarkson | |
---|---|
Tsalo | Kelly Brianne Clarkson (1982-04-24) April 24, 1982 (age 41) Fort Worth, Texas, U.S. |
Maina amangwe | Kelly Brianne |
Tiro |
|
Dingwaga tsa a le mo tirong | 2000 go tsena gompieno |
Mosadi | Brandon Blackstock
(m. 2013; div. 2021) |
Bana | 2 |
O fetheletse | Full list |
Tiro ya boopedi | |
Mefota |
|
Didirisiwa | Vocals |
Labels |
|
Website | kellyclarkson |
Monwana | |
Clarkson o ne a tsaya taolo ya alebamo ya gagwe ya boraro "My December" e e gatisitsweng ka ngwaga wa 2007,a nna mokwadi wa dipina tsa yone tsotlhe ebile e nna tlhogo ya batlhami ba dipina tsa yone. Le fa go ntse jalo, kompone e e mo okametseng e ne ya seka ya kgotsofalela dipina tsa mofuta wa rock tse di mo alebamung eo ka jalo ba goga dinao fa ba tshwanetse go e bapatsa.[2] Dialebamo tsa gagwe ya bone le ya botlhano "All I Ever Wanted" ya 2009 le Stronger ya 2011, di ne tsa boela kwa mofuteng wa mmino o o iketlileng le wa pop rock, All I Ever Wanted e ne ya nna alebamo ya gagwe ya bobedi go nna kwa godimo, fa Stronger yone e ne ya mo dira modiragatsi wa ntlha go fenya seetsele sa Grammy Award sa moopedi wa pop o o gaisitseng gabedi. Di alebamo tse ka bobedi di ne di na le pina e e kwa godimo mo Hot 100:" My Life Would Suck Without You" e e leng yone ya ntlha go tlolela kwa godimo ka sekgele se setona mo ditsong tsa mmino, mme Stronger (What Doesnt Kill You) yone ya nna pina ya gagwe e e rekisisweng thata lefatshe ka bophara. Clarkson o ne a nna le alebamo ya matsalo a ga Jeso e e rekisitseng go gaisa mo ngwageng oo e e bidiwang Wrapped In Red ya ngwaga wa 2013. Pina ya yone ya konokono "Underneath the Tree", e ne ya bidiwa pina e e itsegeng thata e e ntshitsweng mo dingwageng di le makgolokgolo ke ASCAP.[3] Alebamo ya gagwe ya bosupa Piece By Piece ya 2015, e ne ya nna kwa maemong a ntlha kwa United States, fa pina ya yone ya konokono e ne ya nna mo go tse di lesome tse di ka godimo. Morago ga go tlogela RCA mme a baya monwana tumalano le ba Atlantic ka ngwaga wa 2016, Clarkson o ne a ntsha alebamo ya borobabobedi e e neng e rotloeditse ke mmino wa soul, Meaning of Life ka ngwaga wa 2017, le alebamo ya gagwe ya bobedi ya khirisimose When Christmas Comes Around, le ya bo lesome Chemistry ka ngwaga wa 2023.
Clarkson o berekile gape e le mokatisi mo thulaganyong ya The Voice go tswa ka paka ya bo lesome le bone go tsena ka ya bo masome a mabedi le bongwe, a boa gape ka ya bo masome a mabedi le boraro. Fa e sale ka ngwaga wa 2019, o gasa thulaganyo ya gawe ya dipuisano, The Kelly Clarkson Show.[4] Mo dikgeleng tse dintsi tse a di amogetseng, o amogetse tse tharo tsa MTV Video Music Awards, the tharo tsa Grammy Awards, tse nne tsa American Music Awards, tse pedi tsa Academy of Country Music Awards, tse tlhano tsa Daytime Emmy Awards, le naledi ya Hollywood Walk of Fame. Clarkson o rekisitse di alebamo di ka nna di milione di le masome a mabedi le botlhano, le dipina tse di ikemetseng di ka nna masome a mane le botlhano a di milione lefatshe ka bophara. O na le dipina di le lesome le bone tse di kileng tsa nna mo lesomeng le le kwa godimo kwa United States, mme di le boferabongwe kwa United Kingdom, Canada le Australia. O nnile moopedi wa ntlha mo ditsong go nna kwa godimo ga mefuta ya pop, adult contemporary, adult pop, country le dance ya Billboard. Billboard e supile fa Clarkson e le mongwe wa baopedi bagolo ba pop,[5] mme ba mo fa tlotla ya seetsele sa Powerhouse Award, fa VH1 yone e mmeile mo maemong a bo lesome le boferabongwe mo go bomme ba le lekgolo ba bagolo mo kopelong.