Catherine, Mohamagatsana wa kwa Wales
From Wikipedia, the free encyclopedia
Mohamagatsana wa kwa Wales, Catherine, o tshotswe ka leina la Catherine Elizabeth Middleton ka ngwaga wa 1982, kgwedi ya Firikgong e le malatsi a robabongwe. [1]Ke leloko la lolwapa lwa bogosi lwa lefatshe la Britain. O nyetswe ke kgosana ya kwa Wales ebong William, o e leng mojaboswa ebile a lebanwe ke go pagama setilo sa bogosi sa kwa Britain.
Catherine o tsholetswe kwa Reading, a golela kwa Bucklebury kwa Berkshire. O tsene sekolo kwa St Andrew's School le kwa Marlborough College pele ga a ya go ithutela ditso tsa botaki kwa University of St Andrews kwa lefatsheng la Scotland kwa a kopaneng teng le Kgosana William ka ngwaga wa 2001. O berekile ditiro di le mmalwa mo go tsa thekiso le papatso a bo a dira le tsa bopelotlhomogi pele ga peeletso ya bone e begwa ka Ngwanatsele 2010. Ba ne ba nyalana ka kgwedi ya Moranang e le malatsi a le masome a mabedi le borobabongwe ka ngwaga wa 2011 kwa Westminster Abbey. Bana ba bone ba bararo e bong, Kgosana George, Kgosatsana Charlotte, le Kgosana Louis, ba mo maemong a bobedi, boraro le bone ka tatelano go ka palama setilo sa bogosi kwa Britain.
Tshegetso ya ga Catherine e mo makgotleng a feta masome a mabedi a bopelotlhomogi le sesole a akaretsa Anna Freud Centre, Action for Children, SportAid le National Potrait Gallery.[2] O diragatsa mananeo ka thuso ya Royal Foundation, tiro ya gagwe ya bopelotlhomogi e itebagantse le dikgang tsa tlhokomelo ya bana, go tshwakgolwa ke diritibatsi le botaki. Go rotloetsa batho go bua ka mathata a bone a tsa tlhaloganyo, Catherine o ne a simolodisa letsholo la gagwe la go nna podimatseba ka malwetsi a tlhaloganyo la Heads Together le a le simolotseng le monna wa gagwe Prince William le monnawe monna wa gagwe Prince Harry ka Moranang ngwaga wa 2016. Bobegadikgang bo biditse tlhotlheletso ya ga Catherine mo go tsa kapari kwa America le Britain "Kate Middleton Effect". Makasine wa Time o mo supile e le mongwe wa batho ba le lekgolo ba ba nang le thotloetso e kgolo mo bathong ka ngwaga wa 2011, 2012 le 2013, mme ka 2018 a nna motlhopiwa. O ne a nna kgosatsana ya kwa Wales ka ngwaga wa 2022, Lwetse a robabongwe fa monna wa gagwe a ne a tlhomiwa kgosana ya Wales ke rragwe e bong King Charles wa boraro.[3]