Metsi le leswe la go tlosa leswe mo Afrika e e kwa borwa jwa Sahara
From Wikipedia, the free encyclopedia
Le fa go nna le phatlalatso ya metsi le kgopo ya metsi a a leswe mo Aferika yo o ko borwa jwa Sahara go oketsegile mo dingwageng tse pedi tse di fetileng, kgaolô e santse e saletse ko morago ka ditlhbololô mo dikgaolong tsotlhê. phitlhelelo ya metsi a a phepa e oketsegile go tswa ko go 49% mo ngwgwng ya 1990 go ya go 68% mo ngwgweng ya 2015 fa tiro ya kgopo leswe e oketsegile go tswa mo go selekanyong sa 28% go ya go 31% ka yone nako eo fela. sekaka sa borwa jwa Aforika ga se fitlhelele tebelopele.
Ka tlwaelo, metsi a tlamelwa ke ditirelo mo mafelong a ditoropokgolo le bommasepala kgotsa ditlhopha tsa setšhaba mo mafelong a selegae. Dithulaganyo tsa go tsamaisa leswe ga di a tlwaelega mme go phepafatsa metsi a a leswe ga go a tlwaelega. Go tlosa leswe gantsi go dirwa ka mokgwa wa ntlwana ya boithomelo ya motho a le mongwe kgotsa ntlwana ya boitapoloso e e kopanetsweng. 70% ya dipeeletso tsa metsi le go tlosa leswe mo Afrika e e kwa borwa jwa Sahara di duelelwa ka madi mo teng mme 30% fela e duelelwa ka fa ntle (palogare ya 2001). Bontsi jwa madi a a tshegediwang ka fa gare ke a a itshepang a ntlo ($2.1bn), a a diretsweng go tlosa leswe mo lefelong le le jaaka matlwana a boithomelo. Thuso ya madi ya lefapha la puso ($1.2bn) e batlile e le kwa godimo go tshwana le thuso ya madi a dinaga di sele (US$1.4bn). Thuso ya madi a kgwebo ya poraefete e ne e le e e sa tseweng tsia ka $10 milione fela.